|

AfriForum le Batlharo Boo Tokwana-Ba-Ga-Masibi ba ipopa seoposengwe

Baagi ba Setso ba AfriForum le Batlharo Boo Tokwana-Ba-Ga-Masibi ba kwa Disaneng, ka fa bophirima jwa Mahikeng kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima, ba ne ba ipopa seoposengwe ka nako ya kopano fa gare ga baemedi ba AfriForum le ba Kgotla ya Setso ya Batlharo Boo Tokwana-Ba-Ga-Masibi ka 3 April 2023. Makoko ano a ne a dumalana gore a dirisane mmogo ka tsa tlhabololo ya temothuo, ka ditiro tsa go itlamela tsa baagi le go tlhomamisa gore Baagi bano ba Setso ke bone beng ba lefatshe.

“Ka Setswana re na le seabe se se reng: Modiri ga se moji. Bokoa jwa seane seno bo raya gore motho yo o dirang ga a atswiwe. Go tlhomiwa ga kamogelano eno le tumalano eno ya tirisanommogo ga se go solegela rona molemo, mme ke ga bana ba rona le dikokomana tse di tlang morago ga bone. Boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa ke jwa gore baagi ba ditso tse di farologaneng ba nna mo nageng e le nngwe – seno se re naya tšhono ya gore mongwe le mongwe wa rona a ithute mo go ba bangwe – seno gape se re tlhoka go tshedisana ka kutlwano go tlhomamisa gore bokamoso jwa bana ba rona e tla nna jo bo itumedisang,” go bolela jalo Kgosi Mogakolodi Masibi, Kgosi (moeteledipele mogolo wa setso) wa Baagi ba Setso ba Batlharo Boo Tokwana-Ba-Ga-Masibi.

“Gore tharabololo e kgone go dira, e tshwanetse go bo e theilwe mo boammaaruring – mo go se e leng nnete. Boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa ke jwa gore go na le baagi ba ditso tse di farologaneng tse dintsi bao ba botsang karolo e e motsu ya e e ka fa borwa jwa Aforika legae la bone. Dithulaganyo tse re di direlang bokamoso di tshwanetse go dirwa go akantswe ka seno, ke gone ka moo Afriforum e bopang thulaganyo ya go itsane ga baagi ba setso gore ba amogelane le go tlotlana. Re dumela gore go nonotsha tsamaiso ya baagi, e e agilweng, e e akaretsang batho ba maemo otlhe kwantle ga go latlha setso sa bone, ke tsela ya konokono ya go rarabolola mathata a a bakilweng ke go palelwa ga puso,” go bolela jalo Barend Uys, Barend Uys, Tlhogo ya Ditso Tse di Farologaneng le Tirisanommogo kwa AfriForum.

Setheo sa boeteledipele jwa setso ke setheo se se botlhokwa sa baagi ba setso e bile se na le seabe se se botlhokwa sa go sireletsea puo, setso le ngwao-boswa. Seno gape se botlhokwa mo go bolokeng le mo go tlhabololeng setso le mo go direng gore baagi ba ga jaanong jaana ba kgone go tswelela pele ba itlamela.

Similar Posts