|

Moeteledipele wa bofelo wa Thaba’Nchu e e ikemetseng ka nosi o tlotlomaditswe ka go beelwa letlapa le lesha la phupu

Kgosi Tshipinare Moroka, moeteledipele wa bofelo wa Thaba’Nchu e e leng naga e e ikemetseng ka nosi, o ne a tlotlomadiwa ka letlapa le lesha la phupu gompieno, jaaka fa morafe wa Barolong Boo Seleka wa Thaba’Nchu o gakologelwa loso lwa gagwe ka 10 Phukwi 1884, dingwaga di le 140 tse di fetileng. Kgosi Gaboilelwe Moroka, setlogolo sa ga Kgosi Tshipinare yo ga jaanong jaana e leng moeteledipele wa segosi wa morafe o ne a ribolola letlapa la phupu mo boemong jwa Barolong Boo Seleka. Go agiwa ga letlapa la phupu go ne ga dirwa jaaka porojeke e e kopanetsweng ya ngwao-boswa ka tirisanommogo le AfriForum.

Kgosi Tshipinare Moroka e ne e le moeteledipele yo o rotloetsang le motlhabani yo o pelokgale yo o neng a boloka botshelo jwa ga rraagwe yo a neng a tlile go nna motlhatlhami wa gagwe, Kgosi Moroka II, ka nako ya Ntwa ya ga Viervoet kgatlhanong le Bogosi jwa BaSotho ka 1851. E ne e le moeteledipele wa puso yo o neng a na le ponelopele mme a tlhabolola puso le taolo ya lefatshe la Barolong Boo Seleka ka go dira gore lefatshe la Bogosi le sekasekwe le ka go ntsha ditlankana tsa go nna mong wa lefatshe go di naya beng ba mafatshe. Kgosi Tshipinare o ne a bolawa ka tsela e e utlwisang botlhoko fa mophato wa ga mogolowe ka motsadi a le mongwe, Lehulere, yo o neng a ganetsana le kgang ya gore go ne go latela ene mo bogosing, a ne a tlhasela Thaba’Nchu ka tshoganyetso. O ne a lwa ka bopelokgale le batlhasedi ba ba neng ba le mo ntlong ya gagwe, mme kgabagare o ne a lelekwa mo lefelong la gagwe le le sireletsegileng mme a bolawa ka go thuntshiwa fa batlhasedi ba ne ba ja ntlo ya gagwe ka molelo. Kgosi Tshipinare o ne a tlhaloganya botlhokwa jwa go tshedisana mmogo ka kagiso le tirisanommogo mme a latela dikgato tsa ga Kgosi Moroka II ka go tlhoma tumalano ya semmuso ya botsalano le kgolagano le Rephaboliki ya Orange Free State ka 8 Phatwe 1883, jaaka yo o nnileng kgosi pele ga gagwe le ene a ile a dira ka 1865.

“Mosiami o ka nna a nna le mathata a le mantsi, mme MORENA o mo golola mo go one otlhe. Gompieno, re tlotla rraetsho Kgosi Tshipinare Moroka, yo o neng a bolawa mo letsatsing leno dingwaga di le 140 tse di fetileng. E ne e le monna yo o siameng, moeteledipele yo o tlhomologileng le yo o tlhomang sekao se se molemo yo o neng a bolawa ka tšhaka a emetse tshiamiso le boammaaruri. O ne a tlhomiwa go etelela pele morafe wa Barolong Boo Seleka, go tswa ka nako ya fa Thaba’Nchu e ne e le naga e e ikemetseng ka nosi, mme o ne a e etelela pele ka tlhoafalo. Ke tlhotlhelediwa thata ke ene ka gonne o ne a le botlhale e bile a bonela dilo kwa pele. O ne a na le dinonofo tse di tlhomologileng. Fa re ntse re mo gopola le go mo tlotla, gompieno, maikarabelo a go etelela setšhaba pele dingwaga tse dingwe gape di le 140 a mo magetleng a rona. E kete re ka tlhatlhanya, ra ikgalemela, mme ra aga setšhaba gore bagologolwane ba rona ba nne motlotlo. E kete Kgosi ya rona e ka robala ka kagiso. Tholo, Mmina Tshipi Noto!!! Kagisho, Pula, Nala,”  go bolela jalo Kgosi Gaboilelwe Moroka, Kgosi ya Barolong Boo Seleka.

“Ke boemo jo bo kgethegileng mo go rona AfriForum go dira mmogo le Barolong Boo Seleka go tlotla moeteledipele yo o nnileng le seabe se se botlhokwa seo mo hisetoring ya setšhaba sa bone sa setso le sa rona kwa botlhaba jwa Foreisetata. Ke tlotla tota go nna le seabe mo go tsosoloseng seriti le go itlotla ga setso ga setšhaba sa rona. Setšhaba sa setso sa Maaforikanere se gakologelwa Kgosi Tshipinare jaaka moeteledipele wa modiredi wa bone yo o neng a na le ponelopele le tsala ya nnete e e neng e golagane le bone. AfriForum e rotloediwa ke baeteledipele ba ba jaaka Kgosi Tshipinare jaaka re ntse re berekela go tlhoma mokgatlho wa merafe ya setso, e e amogelanang le go tlotlana, e e kgonang go tshegetsana. Taolo e ntšha ya go laola morafe e a gola mo gare ga baagi e e nayang baagi ba setso tšhono ya go ikagela isagwe e re e batlelang bana ba merafe ya rona ka go dirisana mmogo mono mo Aforikaborwa,” go bolela jalo Barend Uys, wa Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.

“Go ribololwa ga letlapa la phupu ya mongwe wa baeteledipele ba rona le bagaka ba rona ba hisetori ke kgato e e latelang ya dingwaga di le 10 tse di balwang fa di ntse di feta go ya kwa moletlong wa dingwaga di le 200 tsa go goroga ga rona kwa Thaba’Nchu o, fa Modimo a rata, re tla o ketekang ka 2033,” Kgosi Gaboilelwe o konela jalo.

Similar Posts