|

Letsholo le le kopanetsweng le ruta barutwna ka tlhagiso-dikumo ya temothuo le go itlamela

AfriForum, Saai le Kantoro ya ga Kgosi Mogakolodi Masibi wa  Baagi ba Setso ba kwa Disaneng ba Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi, ka fa bophirima jwa Mahikeng kwa porofenseng ya Bokone Bophirima, ba ne ba thusana ka go naya barutwana tšhono ya go ithuta ka tlhagiso-dikumo ya temothuo le go itlamela ka go jala ditlhare kwa dikolong di le nne mo baaging. Ka nako ya go jala ditlhare di le lesomerobedi tsa maungo a lamune – ditlhare di le supa kwa sekolong sengwe le sengwe – barutwana gape ba ithutile tsela ya gho jala ditlhare le go di tlhokomela.

“Baagi ba rona ba itumelela gore barutwana ba neilwe tšhono ya go sikara maikarabelo a go tlhokomela ditlhare le go tlhaloganya gore ba jadile ditlhare, le gore le fa ba se kitla ba solegelwa molemo ke tsone, ba ba tlang ka fa morago ga bone ba tla kgetla maungo a ditiro tsa bone. Re motlotlo ka boswa jwa rona e bile setso sa rona se botlhokwa mo go rona; ke lone lebaka la go bo re itumelela thuso ya AfriForum, Saai le Witkrans Citrus Nursery ya go tokafatsa dikolo mo lefelong la baagi ba rona le le teeletsweng ka baeteledipele ba rona,” go bolela jalo Kgosi Mogakolodi Masibi, Kgosi (Kgosi e Kgolo ya Setso) ya Baagi ba Setso ba Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi.

“AfriForum le Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ba ne ba golagana mmogo go sa le gale mo ngwageng ono mme ba dumalana gore ba nne le tirisano mmogo mo tlhabololong ya temothuo le go rotloetsa kgono ya baagi ya go itlamela le go itaola; porojeke eno ya go jala ditlhare ke karolo ya go tsenya tumalano eno tirisong. Ka nako ya go jala ditlhare, re ne ra fetisetsa molaetsa mo baneng wa gore leloko lengwe le lengwe la baagi le na le boikarabelo jwa go tlisa diphetogo mo baaging,” go bolela jalo Nantes Kelder, Mookamedi wa Bosetšhaba wa Porojeke wa Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum. Gape Kelder o ne a leboga Witkrans Citrus Nursery go bo e abile ditlhare.

“Jaaka lelapa la balemi ba ba dirisanang mmogo, go botlhokwa mo bathong ba ba Saai, segolobogolo mo baneng, go tlhaloganya gore tlhagiso-dikumo e e tlhomamisang gore rotlhe re nna re na le dijo, e simolola ka tlhagiso-dikumo e nnye. Gape go botlhokwa gore bana ba itse ka dikgonego tse dintsi tsa go tlhama khumo e temothuo e tlamelang ka yone. Tiro ya go jala ditlhare ga se fela tiro ya go tokafatsa tikologo, mme gape e bontsha gore go a kgonega go rulaganyetsa bokamoso jo bo botoka ka maiteko a tirisanommogo a mokgele o o tsayang nako e telele, mme gape e tlamela ka tsholofetso e e nonofileng ya go nna le baagi ba ba itekanetseng mo nageng ya rona,” go bolela jalo Leon Lourens, Mookamedi wa Tsa Tlhabololo kwa Saai.

Dikolo di le nne tse go jetsweng ditlhare kwa go tsone di teeletswe ka maina a baeteledipele ba ga jaanong le ba nako e e fetileng ba baagi:

  • Sekolo sa Mogakolodi Masibi Science, Commercial and Technical se se teeletsweng ka Kgosi Mogakolodi Masibi;
  • Tshoganyetso Primary School se se teeletsweng ka Regent Tshoganyetso Masibi (1914-2004), yo e neng e le mothusi wa ga Kgosi Mogakolodi;
  • Methusele II Primary School se se teeletsweng ka Kgosi Methusele Masibi (1935-1974), rraagwe Kgosi Mogakolodi; le
  • Jan Masibi Secondary School se se teeletsweng ka Kgosi Jan Masibi (1901-1984), rraagwe-mogolo wa ga Kgosi Mogakolodi.

AfriForum le Saai ba tla tshegetsa Kantoro ya ga Kgosi Masibi go ela tlhoko gore porojeke e atlega lobaka lo lo leele.

“Tumalano eno ya go amogelana le tirisano-mmogo le Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi le porojeke eno e e kopanetsweng e e bopilweng ka tumalano eno, ke karolo ya leano la AfriForum la go aga kgolagano fa gare ga baagi ba setso ba ba kgonang go dirisana mmogo go tlhomamisa gore rotlhe re nna le bokamoso jo bo siameng mono mo Aforika Borwa,” Kelder o konela jalo.

Similar Posts