|

Porojeke e e kopanetsweng ya merogo e tlhagisa dikumo tsa ntlha

Porojeke e e kopanetsweng ya temothuo ya merogo e e dirwang ke Setlamo sa Kgwebo s AfriForum, Saai le Thabake e nnile le thobo ya yone ya ntlha mo bekeng eno. Kholifolawa le borokholi di ne tsa romelwa kwa mmarakeng mme khabetšhe yone e tla rojwa moragonyana.

Lebo Mosime wa Thabake o ne a buwa le AfriForum ka 2022 fa a sena go dira tshwetso ya go atolosa tshimo ya gagwe e nnye a bogolo jo bo ka nnang 2 000 m2 ya merogo e a neng a e lemile ka fa morago ga jarata ya bogolo. O ne a romela dikumo tsa boleng jo bo kwa godimo kwa mmarakeng, mme bontsi jwa tsone bo ne bo le kwa tlase go ka amogelesega mo mmarakeng. AfriForum le Saai ba ne ba tshgetsa Thabake ka go mo segela tshimo ya bogolo jwa diheketara di le 0.75 go tswa mo go ya bogolo jwa diheketara di le 21 mo lefelong la Phokeng – e Thabake a e hirang go tswa go Setlamo sa Kgwebo sa Royal Bafokeng – e e neng e le ka fa tlase ga didirisiwa tsa go nosetsa tse di dirisang mogote wa letsatsi.

“Ke na le kitso ka temo ya merogo, mme ke batla go ithuta ka yone le go gatelapele – gape ke batla go ruta batho kitso eno ba ba batlang go dira temo le go godisa ikonomi ka go tlhama ditšhono tsa go bona ditiro. Mokgele wa me ke go nna molemirui yo o feletseng wa kgwebo e e tlhagisang dikumo tsa boleng jo bo kwa godimo tse di batlegang thata. Ke batla go aga le go godisa Setlamo sa Kgwebo sa Thabake gore banake ba se rue boswa le dikokomana tse di tlang morago ga bone – ke batla go ba tlogelela boswa jo bo nnetseng ruri. Ke lebogela Modimo kgwebisano eno,” go bolela jalo Mosime, Mothei le Mokhuduthamaga wa Setlamo sa Kgwebo sa Thabake .

“Re tshegetsa Thabake go tokafatsa bokgoni jo ba nang le jone jo bo amanang le go rulaganya le go laola setlamo sa temothuo. Re dirisana mmogo le bagwebisani ba lefelo la rona ba ba nang le kitso e e tlhokegang ya setegeniki ya go tlhopha dilo tsa methalethale, menontsha, go bolaya diji le mefero le go tokafatsa boleng jwa mmu. Lebo o tlhaloganya temo, ke tshiamelo mo go rona go mo tshegetsa gore a godise kgwebo ya gagwe ya temo gore e tsamaisane le maemo a ikonomi,” go bolela jalo Leon Lourens, Mookamedi wa Tsa Tlhabololo kwa Saai.

“Go botlhokwa go nna le baagi ba ba kgonang go itlamela, dijo tse di sa tlhaeleng le kamano e e siameng le tirisanommogo fa gare ga baagi ba setso go tlhomamisa go tshedisana ka kagiso mono mo Aforika Borwa. Ke tshiamelo go nna leloko la setlhopha se se dirisanang mmogo sa maloko a a ineetseng go dira ka natla go solegela baagi molemo,” go bolela jalo Nantes Kelder, Mookamedi wa Bosetšhaba wa Porojeke wa Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.

Dijalo di jalwa ka go refosanwa mme boikaelelo ke go lema dinawa tse di tala, pepere e tala, tšhilisi, baby marrow le bathanate mo karolong e e latelang ya t emo.

Similar Posts