|

Porojeke e e kopanetsweng ya tlhabololo ya temothuo e simolola modikologo wa boraro wa temo ya dimela morago ga thobo ya bobedi e e atlegileng

Porojeke e e kopanetsweng ya tlhabololo ya temothuo e e dirwang ke Setlamo sa Kgwebo sa AfriForum, Saai le Thabake e simolotse ka go baakanyetsa modikologo wa boraro wa jalo ya dimela tsa porojeke ya merogo e e tla akaretsang jalo ya dibitirutu, kholifolawa le khabetšhe e khibidu. E dirwa jaana morago ga thobo ya bobedi e e atlegileng e e neng ya wediwa mo kgweding e e fetileng – 4 191 kg ya sephotsa, 728 kg ya khabetšhe e khibidu le 740 kg ya khabetšhe di ne tsa romelwa kwa Nutripick mo nakong eno ya modikologo wa bobedi wa jalo ya dimela. Go ya pele, diako tsa kholifolawa di le 770 di ne tsa romelelwa dikhasetomara tse dingwe.

“Sengwe sa dilo tse di thata ke go tswelela pele ka tiro fa thobo e sa tsamaya sentle. Ga go motlhofo go itlhoboga fa e le gore sotlhe se o nang le sone ke kumo ya gago mo teng ga sebowana le magola a a letetseng go lengwa. Ke lesego tota go bo ke na le tshegetso e ke nang le yone mmogo le bana-le-seabe ba ba tsayang karolo le go nna le leokwane le le nkgontshang go tswelela ka go godisa kgwebo ya me ya temothuo gore e nne kgwebo e e ungwang le e e kgonang go itsetsepela, e ke batlang go e tlogelela banake le setlhopha sa me sa badiri boswa,”go bolela jalo Lebo Mosime, Motlhankedi-Khuduthamaga Mogolo wa Setlamo sa Kgwebo sa Thabake.

Go kgothatsa tota go bona gore diporojeke tsa rona tsa tlhabololo ya temothuo, tse boikaelelo jwa tsone e leng go dira gore balemi ba ba santseng ba fatlhoga ba dire tiro ka mokgwa wa segompieno, wa go dirisa metšhini le go dira kgwebo kwa metseselegaeng e e kwa teng-teng le kwa metse-magaeng a a gaufi le ditoropo, di nna le maungo. Sengwe sa dilo tse re tlhomileng mogopolo thata mo go tsone ke tlhabololo ya botsamaisi go tokafatsa dithulaganyo tsa tiro, tsamaiso, go boloka direkoto le go boloka tshedimosetso e e re kgontshang go balelela dikuno ka nepagalo le go tokafatsa tiro. Re tshwaragane le thulaganyo ya go tlisa tlhabololo ya ditiro tsa temothuo kgato ka kgato ka boikaelelo jwa go tokafatsa tlhagiso-dikumo le go fokotsa ditlamorago tse di seng monate mo tikologong,” go bolela jalo Leon Lourens e leng mookamedi wa tsa Tlhabololo kwa Saai.

“Tiirisanommogo mo diporojekeng tse di dirwang ka mekgwa e e sa tshwaneng e thusa balemi go ithuta mokgwa-tiro o o ba nayang tšhono ya go itsane le go tshepana le go tsalana gore ba kgone go amogelana le go tlotlana. Ke tshiamelo go AfriForum go tsaya karolo mo gare ga kgolo eno ya balemi ba ba santseng ba fatlhoga ba ba emanang nokeng,” go bolela jalo Nantes Kelder, Mookamedi wa Bosetšhaba wa Porojeke wa Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.

Kgato e e latelang ya porojeke eno e akaretsa katoloso ya tsamaiso ya go nosetsa ka didirisiwa tsa motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi go oketsa bogolo jwa porojeke e e tla thusang tiro gore e kgone go itsetsepela le go ungwa.

Mosime o ne a buisana le AfriForum ka 2022 fa a sena go swetsa ka gore o batla go atolosa tshingwana ya gagwe ya merogo e e neng e le nnye ya bogolo jwa mo e ka nnang 2 000 m2  mo jarateng ya gagwe. O ne a romela dikumo tsa boleng jo bo kwa godimo kwa mmarakeng, mme bontsi jwa tsone bo ne bo le kwa tlase go ka amogelesega mo mmarakeng. AfriForum le Saai ba ne ba tshegetsa Setlamo sa Kgwebo ya Thabake ka go mo segela tshimo ya bogolo jwa diheketara di le 0.75 mo teng ga poloto ya diheketara di le 21 mo lefelong la Phokeng, e Setlamo sa Kgwebo sa Thabake se e hirileng go tswa go Setlamo sa Kgwebo sa Royal Bafokeng – e e neng e le ka fa tlase ga didirisiwa tsa go nosetsa tse di dirisang mogote wa letsatsi. Thobo ya ntlha ya porojeke eno e ne ya wediwa ka Diphalane 2023

Similar Posts