|

Porojeke e e kopanetsweng ya tokafatso ya temothuo e a simololwa

AfriForum, mafaratlhatlha a Saai a setlhotswana sa balemirui ba ba santseng ba fatlhoga le kantoro ya ga Kgosi Gaboilelwe Moroka, ba ne ba simolola porojeke e e kopanetsweng ya go rua dipodi tsa naga mo bogosing jwa Barolong Boo Seleka kwa Thaba’Nchu, ka fa botlhaba jwa Bloemfontein kwa Foreisetata ka go dirisa lotsalo lwa marole a dipodi tsa naga tse setso di le 21 tsa Ba-Nguni le go rua dipodi – mme Gerhard Lourens, wa LGL Inheemseveldbokstoet ke ene a katisang setlhotswana sa balemirui bano ba ba santseng ba fatlhoga ba lefelo leno le Kgosi Moroka le setlhopha sa gagwe. Boikaelelo jwa porojeke eno ke go tlhomelela setlhotswana sa balemirui ba lefelo leno ba ba santseng ba fatlhoga ka kitso le bokgoni jwa go itshedisa ka temothuo le go e fetola go nna kgwebo e e ungwang mmogo le go nna le marole a dipodi ao kwa bofelong a tla nnang kgwebo e e gatelang pele ya go rua dipodi le go tsadisa dipodi gore batho ba ba katisiwang ba kgone go dira diporojeke tse dingwe go ya pele

“Boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa ke gore temothuo ke yone e tshegetsang botshelo. Gape go tsosolosa temothuo go tla dira gore re kgone go atlega. Kgato eno e botlhokwa go dira gore go se nne le tlhaelo ya dijo, gore kgwebo e kgone go itsetsepela, go se nne le phepelotlase, lehuma le botlhoka-tiro. Porojeke eno ya dipodi ke temotshi mo go rona ya ka fa tiro ya go rua dipodi e tshwanetseng go dirwa ka gone mo mafelo-selegaeng otlhe mo Aforika Borwa. Re leboga AfriForum le Saai, ka ntlha ya tirisanommogo ya bone e e tswelelang pele ya go nna semphato le Barolong Boo Seleka mo maitekong a go nonotsha morafe gore o kgone go itlamela. Bokamoso jwa rona bo ikaegile ka temothuto,” go bolela jalo Kgosi Gaboilelwe Moroka, Kgosi ya Barolong Boo Seleka.

“Re motlotlo tota go bo Saai e kgona go thusa setlhotswana sa balemirui bano ba ba santseng ba fatlhoga ka kitso e e tlhokegang le ka dikgono tsa go gweba ka ditiro tsa bone tsa temothuo mmogo le go di fetola gore e nne tsa segompieno. Seabe se re nang le sone sa go ba tshegetsa le go ba tataisa se dira gore setlhotswana sa balemiruri bano ba ba santseng ba fatlhoga se fetoge go nna balemirui ba kgwebo ba ba thusang ka go tlhama khumo, dijo tse di sa tlhaeleng, kgolo ya ikonomi le go tlhama ditiro,” go oketsa jalo Theo de Jager, Modulasetulo-Khuduthamaga wa Saai.

“Re tlhoma mafaratlhatlha a baagi ba setso ba ba kgonang go itlamela ka go amogelana le go tlotlana, ba ba dirisanang mmogo go tlhomamisa gore bana ba baagi botlhe mo Aforika ba tlile go nna le bokamoso jo bo gololesegileng, jo bo sireletsegileng le go ja nala. Taolo e ntšha ya go laola morafe e a gola mo gare ga baagi – tiro eno e dira gore re nne le tsholofelo ka bokamoso jwa rona ka gonne e naya baagi ba ditso tse di farologaneng tšhono ya go batla tharabololo mmogo ya dikgwetlho tse re lebaneng le tsone,” go bolela jalo Barend Uys, Tlhogo ya Ditso Tse di Farologaneng le tsa Tirisanommogo kwa AfriForum.

Diporojeke tse di kopantsweng tsa tlhabololo ya temothuo le tsa ngwaoboswa di atlegile ka 2022 morago ga go dirwa ga tumalano ya go amogelana le ya tirisano-mmogo fa gare ga AfriForum le Barolong Boo Seleka. Dikamano tse di siameng tseno mmogo le tirisanommogo di tsosolosa dikamano tse di siameng le tirisanommogo tse di neng tsa dirwa ka dingwaga tsa bo1800 fa gare ga baagi ba Maburu le baagi ba Setso ba Barolong Boo Seleka.

Similar Posts